Released on 2008

18K Views

Thumbnail

[Verse 1]

O ka tsamaise ditaba tse ntsetse

O ka phathlalatsa tse mpalletseng

Ke tla tshwarella ka thata ke sa kgaotse

Fa la ka moso le ka tlhaba ke tla tsoga gape, iye

Le nna ke mocha wa lefatshe

Ka jalo ke tla kganya ka mafaratlhatlha a bocha baka


[Chorus]

Ke re Hello Mr

Wa mpona na? (Hela, hela)

Kwa ke tswang teng go kgakala

Fela kwa ke yang teng, halala

Fela kwa ke yang teng, halala


[Verse 2]

Tsoga borokong, tsiboga fa letlhaba

Tlhatlhoga dithaba ka pina ya tsholofelo

Fao o ba bona ba jella

Ba nathele ganyanyane fela

Gore ba kope gape

Le nna ke mocha wa lefatshe

Ka jalo ke tla kganya jaaka tsatsi fa le tlhaba mo mosong


[Chorus]

Ke re Hello Mr

Wa mpona na? (he la, he la)

Kwa ke tswang teng go kgakala

FEla kwa ke yang teng Halala

FEla kwa ke yang teng Halala


[Bridge]

Go monate fa re kopana leetong la botshele

Re rwadisana morwalo

Re bontshana makoa

Re rutana bothlale

Ereng mothlang re fapogang

Re seke ra lebalana

Gore tsothle tse dintle tse di re kopantseng

Di re kopanye gape le kamoso


[Chorus]

Ke re Hello Mr

Wa mpona na? (he la, he la)

Kwa ke tswang teng go kgakala

FEla kwa ke yang teng Halala

FEla kwa ke yang teng Halala